Fickle

Statutes section 105

Section 105

In force date not confirmed

105. (1) Bothati jwa Tlhokomelo bo ka dira maemo a tlhokomelo mabapi le, kgotsa malebana le—

(a) ditheo tsa ditshelete ts di tlamelang ka dikuno tsa ditshelete kgotsa ditirelo tsa dithoto;

(b) ditheo tsa ditshelete tse e leng dithulaganyetso tsa popegotheo ya mmaraka; le 15

(c) batho ba botlhokwa ba ditheo tseo tsa ditshelete.

(2) Maemo a tlhokomelo e tshwanetse go nna le maikaelelo a e le nngwe kgotsa go feta ya tse di latelang:

(a) Go netefatsa polokego le tolamo ya ditheo tseo tsa ditshelete;

(b) fokotsa kotsi ya gore ditheo tseo tsa ditshelete, le batho ba ba botlhokwa ba 20 itshotse ka mokgwa o o ka tlisang, kgotsa o o bakang, bosenyi jwa ditshelete; le

(c) go thusa go tshegetsas tlhomamo ya ditshelete.

(3) Ntle le go lekanyetsa karolotlaleletso (1), maemo a tlhokomelo a ka dirwa mo go nngwe le nngwe ya merero e e latelang: 25

(a) Ditlhokego tsa ditshelete tse di nepagetseng, go akaretsa ditlhokego mabapi le tekano ya khapetele, maemotlase a thekiso le theko ya dithoto le maemotlase a boleng jwa dithoto;

(b) merero e mo go yona go ka dirwang sediriso sa bolaodi ke Bothati jwa Tlhokomelo go ya ka molao wa ditshelete o o tsepamisitsweng; 30

(c) merero e go ya ka kabelo nngwe le nngwe ya Molao ono e ka laolwang ke maemo a tlhokomelo, go akaretsa le merero e e kailweng mo karolong 30; le

(d) morero mongwe le mongwe o o maleba le botlhokwa go fitlhelela nngwe le nngwe ya maikaelelo a a tlhagisitsweng mo karolotlaleletsong (2).

Maemo a boitshwar 35