Page 87..GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
No. 41060 87
Molao wa Taolo ya Lephata la Ditshelete, 2017
Nmr 9 ya 2017
87
le ditirelo tsa ditshelete tse di tlamelwang ke setheo sa ditshelete, le go sa nyatswe karolo 2(1)(g), laola le go tlhokomela maitsholo a setheo sa ditshelete mabapi le kabelo ya sekoloto ka fa tlase ga tumalano ya sekoloto fela mabapi le merero e e kailweng mo karolong 108.
(3) Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo tshwanetse gape go dira tiro 5
nngwe le nngwe e bo e neetsweng go ya ka kabelo nngwe le nngwe ya Molao ono kgotsa
molawana mongwe le mongwe.
(4) Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo ka dira sengwe le sengwe se
se tlhokegang go fitlhelela maikaelelo a jona, go akaretsa go—
(a) dirisana mmogo le badirikabona mo ditaolong tse dingwe; le 10
(b) tsaya karolo mo bolaoding jwa boditshabatshaba jo bo maleba, tlhokomelo,
tlhomamo ya ditshelete le mekgatlho e e bayang maemo.
(5) Mo go direng ditiro tsa jona, Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo
tshwanetse go—
(a) tsaya tsia Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto le ditlhokego tsa taolo tsa ditheo 15
tsa ditshelete tse di dumeletsweng le go laolwa ka fa tlase ga Molao oo;
(b) tsaya tsia tlhokego ya itlhagiso e bogolo e thibelang, e tsepameng mo
dipoelong le mokgwa o o theilweng mo dikotsing, le go tlisa pele tiriso ya
ditlamelwana tsa jona go tsamaelana le botlhokwa jwa dikotsi mo go
ftlheleling maikaelelo a jona; le 20
(c) go ya ka moo go ka kgonegang, go tsaya tsia bolaodi jwa boditshabatshaba le
maemo a tlhokomelo a a beilweng ke mekgatlho e e kailweng mo
karolotlaleletsong (3)(b), le maemo a a renang mo Rephaboliking.
(6) Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo tshwanetse go dira ditiro tsa
jona ntle le letshogo, tseoletlhakore kgotsa kgobelelo. 25
Karolo 2
Puso
Maithlomo ka Kakaretso a puso
59. Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo tshwanetse go laola merero
ya jona ka nonofo le bokgoni, le go tlhoma le go tsenya mo tirisong dithulaganyo tsa 30
tsamaiso le ditirego tse di maleba gape di na le bokgoni, ka go elwa tlhoko, mo gare ga
tse dingwe, ga maemo a a amogelsegang boditshabatshaba mo mererong eno.
Thlome lebotsayakarolo jwa Komiti Khuduthamaga
60. (1) Komiti e e bidiwang Komiti Khuduthamaga e tlhongwa mabapi le Bothati jwa
Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete. 35
(2) Komiti Khuduthamaga e na le Khomisenara le Batlatsakhominenara.
(3) Komiti Khuduthamaga e tshwanetse go—
(a) baya leitlho ka kakaretso taolo le tsamaiso ya Bothati jwa Boitshvaro jwa
Lephata la Ditshelete go netefatsa gore bo nonofile e bile bo na le bokgoni; le
(b) dira boemong jwa Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete mo 40
mererong e e latelang:
(i) Go dumelela Khomishenara go saena, mo boemong jwa Bothati jwa
Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete, memorantamo wa tumalano wa
karolo 27 kgotsa karolo 77 le ditlhabololo dingwe le dingwe go
memorantamo oo; 45
(ii) go rolela dithata tsa Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete go
Bothati jwa Tlhokomelo go ya ka karolo 77 ya memorantamo wa
tumalano;
(iii) go amogela leano la taolo la Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la
Ditshelete, le ditlhabololo dingwe le dingwe go leano; 50
(iv) go amogela ditsamaiso tsa tiro ya tsamaiso ya Bothati jwa Boitshvaro
jwa Lephata la Ditshelete, le ditlhabololo dingwe le dingwe go
ditsamaiso tseo;
(v) go thapa maloko a dikomiti tsa Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la
Ditshelete tse di tlhokegang kgotsa letleletsweng ke molao, le go neelana 55
ka dikaelo mabapi le tiragatso ya tiro ya komiti nngwe le nngwe;
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za