Statutes section 111
Section 111
In force date not confirmed
111. (1) Motho o ka se tlamele, jaaka kgwebo kgotsa karolo ya kgwebo, kuno ya tshelete, tirelo ya tshelete kgotsa thulaganyetso ya popegotheo ya mmaraka ntle le—
(a) go tsamaelana le laesense go ya ka molao o o tsepameng wa lephata la ditshelete kgotsa Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto kgotsa National Payment System Act; kgotsa
(b) fa go se molao o o tsepameng wa lephata la ditshelete o o tlamelang ka laesense eo, go tsamaelana le laesense go ya ka Molao ono.
(2) Motho o ka se tlamela, jaaka kgwebo kgotsa karolo ya kgwebo, kuno ya ditshelete e e thapilweng go ya ka karolo 2, kgotsa kuno ya ditshelete e tthomilweng go ya ka karolo 3, ntle le go tsamaelana le laesense go ya ka Kgaolo eno.
(3) Dikarolotlaleletso (1) le (2) di diriswa fela go mokonteraka fa bothati jo bo rwalang maikarabelo ka tsepamo, mo maemong, bo tlhoka gore mokonteraka a abelwe laesense.
(4) Motho o ka se itlhalose kgotsa ga tsewa gore o abetswe laesense go ya ka molao wa lephata la ditshelete, go akaretsa le go abelwa laesense go tlamela ka dikuno tse di rileng tsa ditshelete, ditirelo tsa ditshelete kgotsa thulaganyetso ya popegotheo ya mmaraka, fa fela motho yoo a abetswe laesense jalo.
(5) Motho o ka se letle motho yo mongwe go supa motho wa ntlha jaaka yo o abetsweng laesense go ya ka molao wa lephata la ditshelete, go akaretsa le go abelwa laesense go ya ka molao wa lephata la ditshelete go tlamela ka dikuno tse di rileng tsa ditshelete, ditirelo tsa ditshelete kgotsa thulaganyetso ya popegotheo ya mmaraka, ntle le fa motho wa ntlha a abetswe laesense jalo.
(6) Mabapi le maitlhomo a dikarolotlaleletso (4) le (5), motho yo laesense ya gagwe e sekegilweng kgotsa phimotsweng ga a abelwa laesense.
(7) Ntle le ka moo go tlametsweng ka tlhamalalo ke Molao ono, Molao ono ga o ame dikabelo tsa melao e tsepameng ya lephata la ditshelete mabapi le kabo ya laesense e e amanang le dikuno tsa ditshelete le ditirelo tsa ditshelete le thulaganyetso ya popegotheo ya mmaraka.
# Karolo 2
# Laesense e tthokegang go ya ka karolo 111(1)(b) kgotsa (2) kgotsa karolo 162
# Tlhaloso