Statutes section 116
Section 116
In force date not confirmed
116. (1) Bothati jo bo maleba mabapi le kopo ya laesense bo tshwanetse go 25 tlhomamisa kopo ka go—
(a) sekegela kopo le go rebola laesense go modirakopo; kgotsa
(b) sa amogele kopo le go itsise modirakopo ka tshwanelo.
(2) Bothati jo bo rwalang maikarabelo bo ka se abele modirakopo laesense ntle le fa bo kgotsofetse gore—
(a) modirakopo o na le ditlamelo tse di lekaneng le bokgoni go netefatsa gore o tla ikamanya le ditlhokego tsa melao ya lephata la ditshelete mabapi le laesense; le
(b) go rebolela modirakopo laesense go ka se nne kgatlhanong le dikgatlhego tsa barekedi ba ditshelete kgotsa lephata la ditshelete kgotsa dikgatlhego tsa 35 setshaba.
(3) (a) Bothati jo bo rwalang maikarabelo bo tshwanetse go go tlhomamisa kopo jaaka go tlhalositswe mo karolotlaleletsong (1) le go itsise modirakopo mo dikgweding tse tharo morago ga fa kopo e sena go dirwa.
(b) Bothati jo bo rwalang maikarabelo bo ka, ka kitsiso go modirakopo, oketsa paka 40 ya dikgwedi tse tharo mo temaneng (a) go paka ele nngwe kgotsa go feta, fela paka yothe e se fete dikgwedi tse robongwe.
(c) Mo go batleng go itse gore paka e e kailweng mo temaneng (a) kgotsa (b) e ya bokhutlong leng, paka nngwe le nngwe magareng ga nako e bothati jo bo rwalang maikarabelo bo nayang modirakopo kitsiso go ya ka karolo 114 le nako e ditlhokego tse 45 di mo kitsisong di kgotsofatswang ka yona ga e balellwe.
# Go bega Ditlamego tsa moabelwalaesense