Statutes section 12
Section 12: Banka ya Resefe e tshwanetse—
In force date not confirmed
12. Banka ya Resefe e tshwanetse—
(a) go ela tlhoko le go baya ka fa tlase ga thadiso—
(i) dikgono le makoa a thulaganyo ya ditshelete; le
(ii) dikotsi dingwe le dingwe go tlhomamo ya ditshelete, le tlholego le bogolo jwa dikotsi tseo, go akaretsa le dikotsi tsa gore ditiragalo tse di rulaganeng di tla diragala le dikotsi dingwe le dingwe tse di kailweng mo mabakeng a a tlhagisitsweng ke maloko a Komiti ya Kelotlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete kgotsa a begilwe go Banka ya Resefe ke molaodi wa lephata la ditshelete;
(b) go tsaya dikgato go fokotsa dikotsi go tlhomamo ya ditshelete, go akaretsa le go gakolola bolaodi ba lephata la ditshelete, le lephata lengwe le lengwe la puso, ka ga dikgato tse di ka tsewang go fokotsa dikotsi tseo; le
(c) nako le nako go lekanyetsa temogo ya ditheo mo Rephaboliking tse di tlhabolotsweng ke mekgatlho ya boditshabatshaba ya go tlhoma dikemo tsa thulaganyetso ya popegotheo ya mmaraka, le go bega diphitlhelelo tsa yona go balaodi ba lephata la ditshelete le Tona, ka go ela tlhoko mabaka le maemo a mo gare ga Rephaboliki.
## Thadiso ya tlhomamo ya ditshelete