Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 121

Section 121

In force date not confirmed

121. (1) Bothati jo bo rwalang maikarabelo jo bo rebotseng laesense, ka kitsiso go moabelwalaesense, bo ka phimola laesense—

(a) fa moabelwalaesense a dirile kopo ya phimolo ya laesense;

(b) mo mabakeng mangwe le mangwe ao bo ka emisang laesense, jaaka go 10 tlhalositswe mo karolong 120(1)(b) go fitlha go (g); kgotsa

(c) fa moabelwalaesense a khutlisitse go dira kgwebo e e abetsweng laesense.

(2) Bothati jo bo rwalang maikarabelo bo ka gana go phimola laesense go ya ka karolotlaleletso (1)(a) fa phimolo—

(a) e ka se nne mo kgatlhegong ya barekedi ba ditshelete; kgotsa 15

(b) e tla dira gore maikaelelo a molao wa lephata la ditshelete a a diragatswang mo laesenseng a tsielege.

(3) Phimolo ya laesense e tsenngwa mo tirisong ka letlha la kitsiso go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa, fa letlha le le kwa morago le tsepamisitswe mo kitsisong, letlha le le kwa morago. 20

## Go tswela pele ga tiro e e abetsweng laesense go sa kgathalasege tshekego kgotsa phediso ya laesense