Statutes section 122
Section 122
In force date not confirmed
122. (1) Bothati jo bo rwalang maikarabelo jo bo sekegileng kgotsa phimotseng laesense bo ka, ka kitsiso go moabelwalaesense, go ya ka mabaka a a tsepamisitsweng mo laesenseng, dumelela moabelwalaesense go tswelela ka ditiro tse di abetsweng 25 laesense go fitlhela, le ka paka e tsepamisitsweng mo kitsisong, go nolofatsa kemiso e e rulaganeng kgotsa khutliso ya tiro.
(2) Mabaka go ya ka karolotlaleletso (1) a tshwanetse go lebiswa mo go—
(a) netefatseng gore barekedi ba ditshelete ba moabelwalaesense ba tshwarwa ka tolamo; kgotsa 30
(b) kemiso e erulaganeng kgotsa khutliso ya tiro e e abetsweng laesense.
(3) Go dira tiro e e abetsweng laesense go tsamaelana le ditlhokego tsa kitsiso go ya ka karolotlaleletso (1) ga se tlolo ya karolo 111 kgotsa 162.
## Tsamaiso Mapapi le go farologanya, go sekega le go fedisa dilaesense