Fickle

Statutes section 126

Section 126

In force date not confirmed

126. (1) Bothati jo bo rwalang maikarabelo bo ka se tseye epe ya dikgato tse di tsepamisitsweng mo karolotlaleletsong (2) ntle le fa—

(a) bothati jo bongwe jwa ditshelete bo dumetse; le

(b) kgato e amana le kgotsa e ama setheo sa ditshelete se se botlhokwa mo thulaganyong, Banka ya Resefe le yona e dumetse.

(2) Dikgato tseo ke—

(a) go aba laesense;

(b) go farologanya, emisa kgotsa fedisa laesense (mme fela di tlhalositswe mo molaong o o maleba wa lephata la ditshelete); le

(c) go neelana ka kgololo go ya ka karolo 281.

35

## Tshenolo ya pateletso ya dilaesense