Statutes section 129
Section 129
In force date not confirmed
129. (1) Kgaolo eno e diriswa mo kgobokanyong ya tshedimosetso, ditlhatlhobo tsa botlhokomedi tsa kwa tirong le dipatlisiso ke Bothati jwa Tlhokomelo kgotsa Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete.
(2) Khansele ya Dikema tsa Kalafi e ka diragatsa dithata go ya ka Kgaolo eno mabapi 10 le dithata le ditiro tse di tlhagisitsweng mo Medical Schemes Act, le dithata le ditiro tse e di abetsweng mo Molaong ono.
(3) Mabapi le tiragatso ya dithata go ya ka Kgaolo eno ka Khansele ya Dikema tsa Kalafi mabapi le sekema sa kalafi, tshupetso mo Kgaolong eno go—
(a) molaodi wa lephata la ditshelete kgotsa bothati jo bo rwalang maikarabelo bo 15 tshwanetse go buiswa jaaka bo akaretsa tshupetso go Khansele ya Dikema tsa Kalafi;
(b) tlhogo ya molao wa lephata la ditshelete e tshwanetse go tseelwa gore e akaretsa tshupetso go Mokwadisi wa Sekema sa Kalafi yo o thapilweng go latela karolo 18 ya Medical Schemes Act; 20
(c) molao wa lephata la ditshelete o tshwanetse go tseelwa gore o akaretsa tshupetso go didiriswa tsa taolo le go Medical Schemes Act; le
(d) setheo sa ditshelete se se abetsweng laesense se tshwanetse go buiswa jaaka se akaretsa tshupetso go sekema sa kalafi se se kwadisitsweng go ya ka Medical Schemes Act kgotsa motsamaisi wa sekema sa kalafi se se rebotsweng go ya ka Medical Schemes Act. 25
## Tshwanelo ya badiredi ba Semolao
130. (1) (a) Motho ga a tshwanela go araba potso e e boditsweng, kgotsa go ikamanya le tlhokego ya go tlhagisa lokwalo kgotsa tshedimosetso, go ya ka Kgaolo eno go ya ka moo motho a tshwanetsweng ke go tleleima tshwanelo ya boithutelo jwa molao mabapi 30 le karabo, diteng tsa lokwalo kgotsa tshedimosetso.
(b) Fa motho yo o kailweng mo temaneng (a) e le modirakamolao, motho o na le tshwanelo ya go tleleima tshwanelo eo mo boemong jwa modirelwa wa motho.
(2) Karolotlaleletso (1) ga e lekanyetse tshwanelo epe ya motho.
### Karolo 2
#### Kgobokanyo ya tshedimosetso
35
## Kgobokanyo ya tshedimosetso