Statutes section 13
Section 13
In force date not confirmed
13. (1) Banka ya Resefe e tshwanetse, bonnye dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro, go dira tekanyetso ya tlhomamo ya thulaganyo ya ditshelete, eo e kailweng fano jaaka “thadiso ya tlhomamo ya ditshelete”.
(2) Thadiso ya tlhomamo ya ditshelete e tshwanetse go tlhagisa—
(a) tekanyetso ya Banka ya Resefe ya tlhomamo ya ditshelete mo pakeng e e ka fa tlase ga thadiso;
(b) tlhagiso le tekanyetso ya dikotsi go tlhomamo ya ditshelete mo bonnyeng dikgwedi tse 12 tse di latelang;
(c) tshosobanyo ya dikgato tse e di tserweng mmogo le balaodi ba lephata la ditshelete go tlhagisa le go laola dikotsi, makoa kgotsa dikotsi mo thulaganyong ya ditshelete mo pakeng e e ka fa tlase ga thadiso le ao go bonelwang pele gore a tla diragala mo dikgweding tse 12 tse di latelang; le
(d) tshosobanyo ya dikatlanegiso tse e di dirileng mmogo le Komiti ya Keletlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete mo pakeng e e ka fa tlase ga thadiso le tswellopele e e fitheletsweng mo go tsenyeng tirsong dikatlanegiso tseo.
(3) Tshedimosetso e, fa e ka phasalatswa e ka gakatsang kgonagalo ya tiragalo e e rulaganeng, e tlhoka go phasalatswa mo thadisong ya tlhomamo ya ditshelete morago ga go foketsega ga kotsi ya tiragalo e e rulaganeng, kgotsa e sekasekilwe.
(4) Banka ya Resefe e tshwanetse go—
(a) romela kgatiso ya thadiso nngwe le nngwe go Tona le Komiti ya Keletlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete go bona tshedimosetso le tshwaelo, le go letla Tona kgotsa Komiti ya Keletlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete go dira ditshwaelo bonnye dibeke di le pedi fa ba eletsa go dira jalo;
(b) phasalatsa thadiso, morago ga go tsaya tsia ditshwaelo dingwe le dingwe tse di ka tswang di amogetswe go ya ka temana (a); le
(c) go baya fa pele ga Palamente khopi ya thadiso.
## Karolo 2
Go laola ditiragalo tse di rulaganeng le dikotsi mabapi le ditiragalo tse di rulaganeng 50
## Tlhomamiso ya ditiragalo tse di rulaganeng