Statutes section 135
Section 135
In force date not confirmed
135. (1) A financial sector regulator may instruct an investigator appointed by it to conduct an investigation in terms of this Part in respect of any person, if the financial sector regulator—
(a) reasonably suspects that a person may have contravened, may be contravening or may be about to contravene, a financial sector law for which the financial sector regulator is the responsible authority; or
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 141 -->
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
No. 41060 141
Molao wa Taolo ya Lephata la Ditshelete, 2017
Nmr 9 ya 2017
139
lefelong le ka mokgwa o o tsepamisitsweng mo taelong, lokwalo la kgwebo le le tsepamisitsweng le le malebana le tlhatlhobo e bile le mo diatleng tsa kgotsa ka fa tlase ga taolo ya setheo se se tlhokometsweng;
(iv) fa lokwalo la kgwebo le tlhagisitswe jaaka go kopilwe ka taelo go ya ka temanatlaleletso (iii), tlhatlhoba, dira ditswa go tswa go lona le go gatisa lokwalo;
(v) fa, go ya ka ditlamorago tsa tlhatlhobo, motlhankedi kgotsa molaodi wa lephata la ditshelete a belaela ka mabaka a utlwalang gore tlolo ya molao wa lephata la ditshelete e diragetse kgotsa e ka diragala—
(aa) neela taelo e e kwetsweng go setheo se se tlhokometsweng kgotsa motho yo o laolang lefelo gore a se ntshe mo lefelong, kgotsa fitlha, senya kgotsa ka gongwe go tshwenyana le, lokwalo le tepamisitsweng la kgwebo; kgotsa
(bb) go itseela, le go tlosa mo lefelong, lokwalo la kgwebo mabapi le maitlhomo a go thibela motho yo mongwe go tlosa, fitlha, senya kgotsa ka gongwe go tshwenyana le lokwalo.
(b) Taelo go ya ka temana (a)(iii) kgotsa (v)(aa) e tsenngwa mo tirisong fa e neilwe motho yo a ka tswang a laola lefelo.
(c) Molaodi wa lephata la ditshelete o tshwanetse go netefatsa gore motho yo o ka tswang a laola lefelo o newa rasiti e e kwetsweng mabapi lelokwalo lengwe le lengwe la kgwebo le le tlositsweng jaaka go kailwe mo temaneng (a)(v)(bb).
(d) Bolaodi jwa lephata la ditshelete bo tshwanetse go netefatsa gore lokwalo lengwe le lengwe la kgwebo le le tlositsweng jaaka go tlhalositswe mo temaneng (a)(v)(bb) le busetswa kwa setheong se se tlhokometsweng fa pusetso ya lokwalo la kgwebo e sa tlhole e tlhokega go fitlhelela maitlhomo a molao wa lephata la ditshelete.
(e) Setheo se se tlhokometsweng se kwa lefelong la sona go tlositsweng lokwalo jaaka go kailwe mo temaneng (a)(v)(bb), kgotsa moemedi wa sona yo o letleletsweng, se ka, ka nako e e tlwaelegileng ya diura tsa tiro le ka fa tlase ga tlhokomelo ya molaodi wa lephata la ditshelete, tlhatlhoba, gatisa le go dira ditswa go tswa go lokwalo.
Go Itshunyatshunya mo dithlathobong tsa botlhokomedi tsa tirong 30