Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 147

Section 147: Taelo ya molaodi e tshwanetse go tsepamisa paka e e amogelelsegang ya go ikamanya, fa go kgonega.

In force date not confirmed

147. Taelo ya molaodi e tshwanetse go tsepamisa paka e e amogelelsegang ya go ikamanya, fa go kgonega.

Kgogelomorago ya ditaelo

148. Molaodi wa lephata la ditshelete o ka, ka nako nngwe le nngwe, phimola taelo e a e rebotseng ka kitsiso e e kwetsweng go motho yo o neng a e reboletswe.

Boikomanyo le ditaelo

149. (1) Setheo sa ditshelete, motho yo o botlhokwa, moemedi kgotsa mokonteraka yo o reboletsweng taelo go ya ka Karolo eno o tshwanetse go ikamanya le taelo.

(2) Kgotlatshekelokgolo e ka, ka kopo ya moamegi mo konterakenga le setheo sa ditshelete, ntle le setheo sa ditshelete, dira taelo e e amanang le ditlamorago tsa taelo go ya ka Karolo eno mo konterakeng.

(3) (a) Go sa lekanyetswe se taelo e ka se dirang, taelo e ka lopa setheo sa ditshelete go—

(i) dira ditlamego tsa sona ka fa tlase ga konteraka; kgotsa

(ii) duela modirakopo, jaaka go tsepamisitswe mo taelong.

(b) Taelo go ya temana (a) e ka se lope motho go tsaya kgato e tla tlolang taelo ya molaodi wa lephata la ditshelete.

Tiragatso le tlhaloso