Fickle

Statutes section 15

Section 15

In force date not confirmed

15. (1) Banka ya Resefe e tshwanetse go tsaya dikgato tsothe tse di maleba—

(a) go thibela ditiragalo tse di rulaganeng go direga; le

(b) fa tiragalo e e rulaganeng e diregile kgotsa e ka direga, go—

(i) thibela ntle le tshenyo ya nako ditlamorago tse di masisi tsa tiragalo mo tlhomamong ya ditshelete; le

(ii) laola tiragalo e e rulaganeng le ditlamorago tsa yona.

(2) Fa e diragatsa go ya ka karolotlaleletso (1), Banka ya Resefe e tshwanetse go tsaya tsia tlhokego ya go—

(a) fokotsa ditlamorago tse di masisi mo tlhomamong ya ditshelete le tiro ya ekonomi; 35

(b) sireletsa, jaaka go tshwanetse, barekedi ba ditshelete; le

(c) laola ditshenyegelo tsa tiragalo e e rulagantsweng go Rephaboliki le dikgato tse di tserweng.

# Tshedimosetso go Tona