Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 152

Section 152

In force date not confirmed

152. (1) Bothati jo bo rwalang maikarabelo a molao wa lephata la ditshelete bo ka simolola ditsamaiso kgatihanong le motho kwa Kgotlatshekelokgolo mabapi le taelo ya 35 go netefatsa ikamanya le molao wa lephata la ditshelete.

(2) Kgotlatshekelokgolo e ka dira taelo go ya ka karolotlaleletso (1)—

(a) fa Kgotlatshekelo e lemoga gore motho o dira, kgotsa o tshitsinya go dira, boitshwarjo jo bo tlolang molao wa lephata la ditshelete;

(b) fa motho a kile a dira boitshwarjo joo mo nakong e e fetileng; 40

(c) fa go na le kotsi kgotsa tshenyego e kgolo kgotsa e e sa baakanyegeng, kgobelelo kgotsa e ka tlhola kotsi fa motho a dira boitshwarjo jwa tlolo ya molao wa lephata la ditshelete; kgotsa

(d) le fa namolo e nngwe e le teng.

(3) Kgotlatshekelokgolo e ka se tlhoke bothati jo bo rwalang maikarabelo go dira 45 tumalano ka ga ditshenyegelo tse di mabapi le kopo ya taelo go ya ka karolo eno.

(4) Bothati jo bo rwalang maikarabelo bo tshwanetse go phasalatsa taelo nngwe le nngwe ya kgotlatshekelo, ntle le ditaelo tsa puisano, tseo bo di fitlhelelang go ya ka karolo eno.

Karolo 5 50

Kganelo

Kganelo