Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 165

Section 165

In force date not confirmed

165. (1) Thata ya Bothati jwa Tlhokomelo ya go ntsha taelo go ya ka karolo 143 e atolosetswa mo go reboleng taelo eo go setlamo se se laolang sa setheo se se kopantsweng sa ditshelete se se diragatsang ditlhokego mo setheong se se laolang go laola le ka mokgwa mongwe go fokotsa dikotsi go bolaodi jwa tlhokomelo kgotsa tlhomamo ya ditshelete ya setheo se se matshwanedi sa ditshelete mo setheong se se kopantsweng go tswa mo malokong a mangwe a setheo se se kopantsweng.

(2) (a) Ditlhokego tsa gore taelo e e kailweng mo karolotlaleletsong (1) e ka pateletsa go ya ka karolotlaleletso (1) e akaretsa ditlhokego mabapi le go baakanya seswa setheo se se kopantsweng go tsamaelana le leano le le neetsweng Bothati jwa Tlhokomelo ke setlamo se se okameng, le go rebolwa ke Bothati jwa Tlhokomelo mo pakeng e go dumalanweng ka yona ke Bothati jwa Tlhokomelo, le go rebolwa ke Bothati jwa Tlhokomelo.

(b) Bothati jwa Tlhokomelo bo ka rebola fela taelo e e pateletsang ditlhokego mabapi le go rulaganngwa seswa gape ga ditheo tse di kopantsweng tsa ditshelete fa Bothati bo kgotsofaditswe ka maikaelelo ke gore mofuta o mongwe wa taelo o ka se fithelele ditlamorago tse di ikaeletsweng ka go tlhoka gore setheo se se kopantsweng sa ditshelete se ganelwe.

(c) Mo go swetseng gore go rebolwe kgotsa go se rebolwe taelo e e pateletsang ditlhokego mabapi le go rulaganngwa seswa ga setheo se se kopantsweng sa ditshelete, Bothati jwa Tlhokomelo bo tshwanetse go ela tlhoko ditshekatsheko tsotlhe tse di maleba, go akaretsa le bonnye tse di latelang:

(i) Bogolo jo popego ya gajaana ya setheo sa ditshelete e kgoreletsang kgotsa e ka kgoreletsang tlhokomelo e e nonofileng ya setheo se se kopantsweng sa ditshelete se se amegang;

(ii) gore a thulaganyoseswa ya setheo se se kopantsweng sa ditshelete e a tlhokega ka mabaka le gore a e siametse go ka namola dikgoreletsi tsa tlhokomelo e e nonofileng ya setheo se se kopantsweng sa ditshelete; le

(iii) ditlhagiso tse di dirilweng ke kgotsa mabapi le setlamo se se okameng.

(3) Thata ya Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete ya go neelana ka taelo go ya ka karolo 144 e atolosetswa mo go reboleng taelo go setlamo se se laolang sa setheo se se kopantsweng sa ditshelete e e lopang setlamo se se laolang go netefatsa gore setheo sa ditshelete mo setheong se se kopantsweng se ikamanya le molao wa lephata la ditshelete o Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete e leng bolaodi jo bo rwalang maikarabelo a ona.

# Thebolo le kitsiso ya pele ya diphitlhelelo le dilatlhwa