Statutes section 17
Section 17: If the Governor has in terms of section 14(4) determined that a systemic event has occurred or is imminent, each financial sector regulator must—
In force date not confirmed
17. If the Governor has in terms of section 14(4) determined that a systemic event has occurred or is imminent, each financial sector regulator must—
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 55 -->
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
No. 41060 55
Molao wa Taolo ya Lephata la Ditshelete, 2017
Nmr 9 ya 2017
(2) Mmusisi o ka, pele ga go tlhomamisa go ya ka karolotlaleletso (1), rerisana le Komiti ya Keletlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete.
(3) Tlhomamiso go ya ka karolotlaleletso (1) e ka dirwa fa ka gongwe tiragalo kgotsa lebaka, kgotsa kopano ya ditiragalo kgotsa mabaka, di diragetse kgotsa di simolotse.
(4) Mmusisi o ka, morago ga go rerisana le Tona, tlhomamisa gore tiragalo e e 5 rulaganeng e tsepameng e diragetse kgotsa e ka diragala.
(5) Mmusisi
(a) o tshwanetse go itsise Tona ka ga tlhomamiso e e dirilweng go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (4);
(b) o tshwanetse go baya tlhomamiso ka fa tlase ga thadiso; 10
(c) o ka, nako nngwe le nngwe, morago ga go rerisana le Tona, tlhabolola, kgotsa gogela morago tlhomamiso ka go kwala; le
(d) o tshwanetse go itsise Tona ka ga tlhabololo kgotsa kgogelomorago ya tlhomamiso e e dirilweng go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (4).
(6) Banka ya Resefe e tshwanetse go itsise balaodi ba lephata la ditshelete ka ga 15 tlhomamiso go ya ka karolo eno, le ka ga tlhabololo kgotsa kgogelomorago ya tlhomamiso eo.
(7) Banka ya Resefe e tshwanetse, mabapi le tlhomamiso e e dirilweng go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (4), le tlhabololo nngwe le nngwe kgotsa kgogelomorago ya tlhomamiso eo—
(a) go baya fa pele ga Palamente tlhomamiso, kgotsa tlhabololo kgotsa phimolo ya tlhomamiso; le
(b) go phasalatsa tlhomamiso, kgotsa tlhabololo kgotsa phimolo ya tlhomamiso, mo webesaeteng ya Banka ya Resefe.
# Ditiro tsa Banka ya Resefe mabapi le ditiragalo tse di rulaganeng 25