Statutes section 177
Section 177
In force date not confirmed
177. (1) Gore e fithelele maikaelelo a yona, Khansele ya Ombud e tshwanetse go—
(a) amogela, go tsamaisana le Karolo eno, dikema tsa ombud tsa bodirelo; 20
(b) tsweletsa pele tirisanommogo magareng, le thulaganyo ya ditiro tsa ombuds;
(c) leka go sireletsa go ikemela le go sa tseyeng letlhakore ga ombuds;
(d) tsweletsa pele temoso ya setshaba ka ga ombuds le dikema tsa ombud le ditirelo tse ba di tlamelang;
(e) tsaya dikgato go nolofatsa phithelelo ya barekedi ditshelete go ombuds tse di maleba;
(f) itsise setshaba ka ga sekema sa ombud, go akaretsa go bega ka mefuta ya dingongorego tse diombud tse di farologaneng di samaganeng le tsona;
(g) rarabolola, go tsamaelana le Molao ono, ditshelepano tsa phithelelo ya lefelotaolo la dikema tse di farologaneng tsa ombud; 30
(h) tlhokomela tiro ya dikema tsa ombud, go akaretsa le bogolo jo di ikamanyang le ditlhokego tsa Kgaolo eno ka jona le melao e e tsepameng ya lephata la ditshelete; le
(i) tsweletsa pele tsenyeletso ya ditshelete.
(2) Khansele ya Ombud e tshwanetse gape go dira tiro nngwe le nngwe e e e 35 roletsweng go ya ka kabelo nngwe le nngwe ya Molao ono kgotsa molawana mongwe le mongwe o o maleba.
(3) Khansele ya Ombud e ka dira sengwe le sengwe gape se se tlhokegang ka mabaka go fithelela maikaelelo a yona.
(4) Khansele ya Ombud e tshwanetse go dira tiro ya yona ntle le letshogo, 40 tseoletlhakore kgotsa kgobelelo.
## Maithlomo ka kakaretso puso