Statutes section 18
Section 18
In force date not confirmed
18. (1) Mmusisi o ka laela molaodi wa lephata la ditshelete, ka go kwala, go tlamela Banka ya Resefe ka tshedimosetso e e tlhalositsweng mo taelong e Banka ya Resefe kgotsa Mmusisi a e tlhokang go diragatsa dithata tsa gagwe go ya ka karolo 14 kgotsa 15, eo e leng mo diatleng tsa molaodi wa lephata la ditshelete kgotsa e fithelelwang ke jona.
(2) (a) Fa Mmusisi go ya ka karolo 14(4) a tlhomamisitse gore tiragalo e e rulaganeng e diregile kgotsa e ka diragala, Mmusisi o ka, ka go kwala, laela molaodi wa lephata la ditshelete, go thusa Banka ya Resefe go ikamanya le karolo 15 ka go dira go tsamaelana le taelo fa bo diragatsa dithata tsa jona.
(b) Taelo go ya ka temana (a) e ka akaretsa dintlha tse di ikaelelang go—
(i) tshegetsa kagosešwa, tharabololo kgotsa tshwetso ya setheo sengwe le sengwe sa ditshelete;
(ii) thibela kgotsa fokotsa go anama ga dikotsi, makoa kgotsa dikgoreletsi mo thulaganyong ya ditshelete; kgotsa
(iii) oketsa bokgoni jwa ditheo tsa ditshelete go emelana le dikotsi, makoa kgotsa dikgoreletsi.
(3) Bothati jwa Tlhokomelo, Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete le Senthara ya Botlhodi jwa Ditshelete di tshwanetse go ikamanya le taelo e e rebotsweng go tsona go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (2).
(4) Bolaodi jwa Bosetshaba jwa Sekoloto bo tshwanetse go ikamanya le taelo eo e e reboletsweng go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (2), fela fa Tona a rerisane le Tona e e rweleng maikarabelo a merero ya sekoloto sa badirisi mo taelong eo.
## Tiragatso ya dithata ka maphata a mangwe a puso