Fickle

Statutes section 180

Section 180

In force date not confirmed

180. (1) Maloko a Boto a athapiwa ke Tona. 5

(2) (a) Tona o tshwanetse go thapa leloko jaaka Modulasetilo le leloko le lengwe jaaka Motlatsamodulasetilo.

(b) Khomisenara le Ombud yo Mogolo baka se thapiwe jaaka Modulasetilo kgotsa Motlatsamodulasetilo.

(3) Motlatsamodulasetilo o tshwara marapo jaaka Modulasetilo fa Modulasetilo a 10 seyo kwa tirong kgotsa ka gongwe a sa kgone go dira tiro ya gagwe.

(4) Motho o ka se thapiwe go nna, kgotsa go tshwara maemo a, Modulasetilo, Motlatsamodulasetilo kgotsa leloko la Boto fa motho yoo—

(a) e le ombud;

(b) e le leloko la mokgatlho o o busang kgotsa badirimmogo mo sekemeng sa 15 ombud;

(c) e le leloko la badirimmogo ba Khansele ya Ombud;

(d) a ileditswe;

(e) e se ka tlwaelo moagi mo Rephaboliking; kgotsa

(f) a samagane le—

(i) kgwebo ya setheo sa ditshelete; kgotsa

(ii) kabelo ya dikuno tsa ditshelete kgotsa ditirelo tsa ditshelete go barekedi ba ditshelete.

## Para ya ofisi ya maloko a Boto