Fickle

Statutes section 181

Section 181

In force date not confirmed

181. (1) Motho yo o thapilweng jaaka leloko la Boto— 25

(a) o nna mo tirong sebaka sa paka e e sa feteng dingwaga tse tlhano, jaaka Tona a ka tlhomamisa;

(b) o, ka go fitlha bokhutlong ga paka ya tiro, na le tshwanelo ya go ka thapiwa gape sebaka sa paka e le nngwe; le

(c) o tshwanetse go tswa mo ofising pele ga paka ya tiro e ya bokhutlong fa motho 30 yoo—

(i) a rola tiro ka go naya Tona kitsiso e e kwetsweng ya bonnye dikgwedi tse tharo, kgotsa nako e khutshwane e Tona a ka e amogelang; kgotsa

(ii) a ntshitswe mo ofising.

(2) Tona o tshwanetse, bonnye dikgwedi di le tharo pele ga bokhutlo jwa paka ya 35 motho ya ntlha ya ofisi, go itsise motho fa e le gore Tona o ikaelela go thapa motho yoo gape jaaka leloko la Boto.

## Mabaka a tirelo ya maloko a Boto

182. Leloko la Boto le thapiwa ka dipeelo le mabaka, go akaretsa le dipeelo le mabaka tse di amanang le mogolo, tse di tlhomatisitsweng ke Tona. 40

## Go tloswa ga maloko a Boto