Fickle

Statutes section 184

Section 184: Boto e tshwanetse—

In force date not confirmed

184. Boto e tshwanetse—

(a) ka kakaretso, go tlhokomela taolo le tsamaiso ya Khansele ya Bolaodi ya Ombud go netefatsa gore e na le bokgoni e bile e nonofile;

(b) gothapa maloko a komiti ya Khansele ya Bolaodi ya Ombud a a tlhokegang kgotsa letleletsweng ke molao, le go naya dikaelo mabapi le boitshwaro jwa tiro ya komiti e nngwe le e nngwe;

(c) go dira ditlhomamiso tsa dituelo go ya ka molao wa lephata la ditshelete;

(d) go baya Tona mo leseding ka ga—

(i) ikamanyo ya dikema tsa ombud le melao ya lephata la ditshelete go ya ka moo di amanang le dikema tsa ombud;

(ii) dingongorego tse dikema tsa ombud di samaganeng le tsona, le ka moo di sekasekwang ka teng; le

(iii) boitshwaro jwa ditheo tsa ditshelete tse di dirang gore go nne le dingongorego tse dintsi go dikema tsa ombud;

(e) go baya balaodi ba lephata la ditshelete mo leseding ka ga boitshwaro jwa ditheo tsa ditshelete tse di dirang gore go nne le dingongorego tse dintsi tsa dikema tsa ditshelete; le

(f) go sekaseka morero mongwe le mongwe o o neilweng Boto go ya ka molao wa lephata la ditshelete.

## Dikopano tsa Boto