Statutes section 185
Section 185
In force date not confirmed
185. (1) (a) Boto e tshwanetse go kopana kotare nngwe le nngwe kgotsa kgapetsakgapetsa jaaka go tlhokega go dira ditiro tsa yona.
(b) Khonferense ya kutlo kgotsa kutlopono magareng ga bontsi jwa maloko a Boto, e e kgontshang leloko lengwe le lengwe le le tsayang karolo go utlwa le go utlwiwa ke leloko lengwe le lengwe la maloko a mangwe a a tsayang karolo, e tshwanetse go tsewa jaaka kopano ya Boto, e bile leloko lengwe le lengwe le le tsayang karolo le tshwanetse go tseelwa gore le teng kwa kopanong eo.
(2) Dikopano tsa Boto di tshwanetse go tshwarwa ka nako le, ntle le moo karolotlaleletso (1)(b) e diriswang, kwa mafelong a a tlhomamisitsweng ke Modulasetilo.
(3) Khoramo ya kopano ya Boto ke bontsi jwa maloko a yona.
(4) (a) Modulasetilo o okamela dikopano tsa Boto tse Modulasetilo a leng teng mo go tsona.
(b) Fa Modulasetilo a se teng kwa kopanong, Motlatsamodulasetilo o okamela kopano.
(5) Motho yo o okametseng kopano ya Boto o ka laletsa kgotsa letla motho mongwe le mongwe go tla kopanong ya Boto, fela motho yo o laleditsweng ga a na tshwanelo ya go bouta kwa kopanong.
(6) Maloko a ka laola ditsamaiso kwa kopanong ya Boto jaaka ba bona go tshwanetse.
(7) Modulasetilo o tshwanetse go netefatsa gore metstoso ya kopano nngwe le nngwe e tsholwa ka mokgwa o tthomamisitsweng ke Modulasetilo.
## Ditshwetso tsa Boto
186. (1) (a) Tshitsinyo e e fa pele ga kopano ya Boto e nna tshwetso ya Boto fa bontsi jwa maloko a a leng teng kgotsa a a tsewang gore a teng, le ba ba ka boutang, ba boutela tshitsinyo.
(b) Mo lebakeng la tekatekano ya diboutu mo tshitsinyong, motho yo o okameng kopano o ka dira boutu ya makgaolakgang mo godimo ga boutu ya tlwaelo.
(2) Boto e ka, go tsamaelana le ditsamaiso tse di tlhomamisitsweng ke Boto, tsaya tshwetso mo tshitsinyong kwa ntle ga kopano ya Boto.
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 188 -->
No. 41060
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
Act No. 9 of 2017
Financial Sector Regulation Act, 2017
186
(3) A decision of the Board is not invalid merely because—
(a) there was a vacancy in the office of a member when the decision was taken; or
(b) a person who was not a member participated in the decision, but did not vote.
## Governance and other committees of Ombud Council