Fickle

Statutes section 190

Section 190

In force date not confirmed

190. (1) Ombud yo Mogolo o ka, ka go kwala— 15

(a) rolela nngwe le nngwe ya dithata kgotsa ditiro go ya ka molao wa lephata la ditshelete, ntle le thata ya go rolela e e fithelwang mo karolotlaleletsong eno, go leloko la badirimmogo la Khansele ya Ombud; le

(b) ka nako nngwe le nngwe, tlhabolola kgotsa phimola tholelo e e dirilweng go ya ka temana (a), go tsamaelana le ditshwanelo tse di fitheletsweng. 20

(2) Tholelo go ya ka karolotlaleletso (1) e ka direlwa motho yo o rileng kgotsa motho yo o tshwereng maemo a a rileng.

(3) Tholelo go ya ka kgaolo eno—

(a) e go ya ka ditekanyetso le mabaka tse di tsepamisitsweng mo tholelong; le

(b) ga e amoge Ombud yo Mogolo maikarabelo mabapi le thata kgotsa tiro e e 25 roletsweng.

(4) Sengwe le sengwe se se dirilweng ke boemedi mabapi le tholelo se tshwanetse go tsewa jaaka se dirilwe ke Khansele ya Ombud.

## Badiri le ditlamelwana