Statutes section 193
Section 193
In force date not confirmed
193. (1) Leloko la Boto le tshwanetse go senola, kwa kopanong ya Boto, kgotsa ka go kwalela mongwe le mongwe wa maloko a mangwe, kgatlhegelo nngwe le nngwe mo morerong o o kgotsa o o tla sekasekwang ke ena, e ka nna kgotsa e se kwa kopanong ya Boto, e le kgatlhego e—
(a) leloko le nang le yona; kgotsa
(b) motho yo o amanang le leloko a nang le yona.
(2) Tshenolo go ya ka karolotlaleletso (1) e tshwanetse go dirwa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga fa leloko le le amegang le sena go itse ka kgatlhego eo.
(3) Leloko le le kailweng mo karolotlaleletsong (1) le ka se dire tiro e e mabapi le 10 morero o o amegang ntle le fa—
(a) leloko le senotse kgatlhegelo go tsamaelana le karolotlaleletso (1); le
(b) maloko a mangwe a Boto a sweditse gore kgatlhegelo e ka se tseelwe gore e ama go dira ka manontlhotlho ga leloko mabapi le morero.
(4) Leloko la komiti ya Khansele ya Ombud e e tlhomilweng go ya ka karolo 15 51(1)(a)(ii) ya Public Finance Management Act kgotsa karolo 187(1) ya Molao ono le tshwanetse go senola, kwa kopanong ya komiti, kgotsa ka go kwalela mongwe le mongwe wa maloko a komiti eo, kgatlhegelo nngwe le nngwe mo morerong o o sekasekwang kgotsa o komiti e e ikaelelang go o sekaseka, e le kgatlhego e—
(a) leloko le nang le yona; kgotsa
(b) motho yo o amanang le leloko a nang le yona.
(5) Tshenolo go ya ka karolotlaleletso (4) e tshwanetse go dirwa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga fa leloko le le amegang le sena go itse ka kgatlhegelo.
(6) Motho yo o kailweng mo karolotlaleletsong (1) kgotsa (4) o ka se tseye karolo mo tshekatshekong ya, kgotsa tshwetso ka ga, morero oo ke Boto kgotsa komiti, go ya ka 25 maemo a mabaka, ntle le fa—
(a) motho a senotse kgatlhegelo go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (4); le
(b) maloko a mangwe a Boto kgotsa komiti eo a sweditse ka gore kgatlhegelo eo e ka se tseelwe gore e ama go dira ka manontlhotlho ga leloko mabapi le morero.
(7) (a) Leloko lengwe le lengwe la badiri ba Khansele ya Bolaodi ya Ombud le motho mongwe le mongwe yo o amegang mo go direng tiro kgotsa mo tiragatsong ya dithata tsa Khansele ya Ombud le tshwanetse go dira tshenolo ya dikgatlhegelo ka nako, nepagalo le tshiamo, go akaretsa le dikgatlhego tsa mokgatho o o amegang, tse di ka tsewang ka mabaka jaaka dikgatlhegelo tse di ka amang go dira ka manontlhotlho ga 35 gagwe ditiro tsa ofisi kgotsa thata e roletsweng.
(b) Ombud yo Mogolo o tshwanetse go netefatsa gore temana (a) e a obamelwa.
(8) Mabapi le maitlhomo a karolo eno, ga go kgathalesege—
(a) gore kgatlhegelo e tlhamaletse, ga e a tlhamalala, ke ya tshelete kgotsa ga se ya tshelete; kgotsa
(b) gore kgatlhegelo e fitlheletswe leng.
(9) Mabapi le maitlhomo a karolo eno, motho o ka nna a se senole—
(a) ntlha ya gore motho yoo, kgotsa motho yo a amanang le ena, ke—
(i) motlhankedi kgotsa modiri wa Khansele ya Ombud; kgotsa
(ii) modirisi wa ditshelete wa setheo sa ditshelete; kgotsa
(b) kgatlhegelo e e seng ya botlhokwa.
(10) Ombud yo Mogolo o tshwanetse go tshola rejisetara ya ditshenolo tsotlhe tse di dirilweng go ya ka karolo eno le ditshwetso tsotlhe tse di dirilweng go ya ka karolo eno.
# Karolo 2
# Kamogelo ya dikema tsa ombud wa madirelo
# Kamogelo ya dikema tsa ombud wa madirelo