Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 207

Section 207

In force date not confirmed

207. (1) (a) Khansele ya Ombud, ka kitsiso e e kwetsweng, e ka lopa sekema sa ombud kgotsa ombud go tlamela ka tshedimosetso e tsepamisitsweng kgotsa lokwalo le tepamisitsweng le le mo taolong ya motho yo o neilweng kitsiso, e ka nna tshedimosetso kgotsa lokwalo le le malebana le tshekatsheko ya boikamanyo ya Khansele ya Ombud ka sekema sa ombud kgotsa ombud le—

(i) molao wa lephata la ditshelete jaaka ga o amana le ombuds;

(ii) molawana wa Khansele ya Ombud;

(iii) taelo e e rebotsweng ke Khansele ya Ombud go ya ka karolo 202; kgotsa

(iv) tumalano e e gatelelwang e e amogetsweng ke Khansele ya Ombud.

(b) Khansele ya Ombud e ka kopa tshedimosetso kgotsa lokwalo go netefatswa jaaka go kailwe mo kitsisong, go akaretsa le ke moruni yo o rebotsweng ke Khansele ya Ombud.

(2) Motho yo o neilweng kitsiso go ya ka karolotlaleletso (1) o tshwanetse go ikamanya le ditlhokego tse di mo kitsisong.

## Ditlhatlhobo tsa botlhokomedi tsa kwa tirong le dipatlisiso