Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 208

Section 208

In force date not confirmed

208. (1) Karolo 3 ya Kgaolo 9 e diriswa mabapi le Khansele ya Ombud jaaka e kete—

(a) dikaelo mo Kgaolong eo go molao wa lephata la ditshelete e ne e le dikaelo go molao wa lephata la ditshelete jaaka fa di amana le dikema tsa ombuds;

(b) dikaelo go molaodi wa lephata la ditshelete e ne e le dikaelo go Khansele ya Ombud; le

(c) dikaelo go setheo se se tlhokometsweng e ne e le dikaelo go sekema sa ombud kgotsa, ombud.

(2) Go sa nyatswe karolo 132(2), maitlhomo a ditlhatlhobo tsa botlhokomedi tsa kwa tirong le sekema sa ombud kgotsa ombud go ya ka karolo eno ke go tlhatlhoba gore sekema sa ombud kgotsa, ombud, se ikamanya le molao wa lephata la ditshelete jaaka ga o amana le ombuds.

(3) Karolo 4 ya Kgaolo 9 e diriswa mabapi le Khansele ya Ombud jaaka e kete—

(a) dikaelo mo Kgaolong eo go molao wa lephata la ditshelete e ne e le dikaelo go molao wa lephata la ditshelete jaaka fa di amana le dikema tsa ombud;

(b) karolo 135(1)(b) e ne e tlogetswe; le

(c) dikaelo go molaodi wa lephata la ditshelete e ne e le dikaelo go Khansele ya Ombud.

(4) Karolo 140 e diriswa mabapi le Khansele ya Ombud e e diragatsang dithata go ya ka karolo eno jaaka ga e diriswa mabapi le balaodi ba lephata la ditshelete.

## Karolo 4

## Dikabelo ka kakaretso

## Phitlhelelo go dikema tsa ombud