Statutes section 21
Section 21: Komiti ya Kelotlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete e na le ditiro tse di latelang:
In force date not confirmed
21. Komiti ya Kelotlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete e na le ditiro tse di latelang:
(a) Go dira jaaka foramo ya baemedi ba Banka ya Resefe gape bolaodi bongwe le bongwe jwa lephata la ditshelete bo tshwanetse go itsisiwe, le go refosana dikakanyo, ka ga ditirwana tsa Banka ya Resefe le balaodi ba lephata la ditshelete mabapi le tlhomamo ya ditshelete;
(b) go dira dikatlanegiso go Mmusisi ka ga go tlhomiwa ga ditheo tse di rulaganeng tsa ditshelete tse di botlhokwa;
(c) go gakolola Tona le Banka ya Resefe ka ga—
(i) dikgato tse di ka tsewang go tlhatlosa, sireletsa kgotsa tlamela, kgotsa go laola kgotsa thibela dikotsi go, tlhomamo ya ditshelete; le
(ii) merero e e amanang le taolo ya dikotsi le thibelo;
(d) go dira dikatlanegiso go maphata a mangwe a puso mabapi le dikgato tse di maleba go bona go ka di tsaya go thusa mo go tlhatloseng, sireletseng kgotsa tlameleng, kgotsa laoleng kgotsa thibeleng dikotsi go tlhomamo ya ditshelete; le
(e) tiro nngwe le nngwe eo e e neetsweng go ya ka molawana o o maleba.
# Boloko
22. (1) Komiti ya Kelotlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete e na le maloko a a latelang:
(a) Mmusisi;
(b) Motlatsammusisi yo o rwalang maikarabelo a merero ya tlhomamo ya ditshelete;
(c) Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga;
(d) Khomisenara;
(e) Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga wa Bolaodi jwa Bosetshaba jwa Sekoloto;
(f) Mokaedikakaretso;
(g) Mokaedi wa Senthara ya Botlhodi jwa Ditshelete; le
(h) tekanyetso ya batho ba le bararo ba tlaleletso ba ba thapilweng ke Mmusisi.
(2) Leloko la Komiti ya Kelotlhoko ya Tlhomamo ya Ditshelete e e kailweng go ya ka karolotlaleletso (1)(h) le dira go ya ka paka, le ka dipeelo, tse di tlhomamisitsweng ke Mmusisi.
# Tshegetso ya tsamaiso ka Banka ya Resefe