Statutes section 212
Section 212
In force date not confirmed
212. (1) Ombud wa sekema sa ombud sa bodirelo o ka se samagane le ngongorego eo sekema sa ombud sa molao se diriswang, mme o tshwanetse go romela ngongorego go sekema sa ombud sa molao se se maleba ntle le fa sekema sa ombud sa molao se ganne go samagana le ngongorego.
(2) Sekema sa ombud se ka se samagane le ngongorego e e setseng e rarabolotswe ke sekema sa ombud se sengwe ntle le fa—
(a) ngongorego e rometswe kwa go sona ke sekema sa ombud se sengwe; kgotsa
(b) Khansele ya Ombud e thapile dikema ka bobedi go ya ka karolo 211(1) go sekaseka le go rarabolola dingongorego tsa mofuta o o maleba e bile sekema sengwe le sengwe se sekaseka le dipopi tsa ngongorego go tsamaelana le tlhomamiso e e diriswang go ya ka karolo 211(1)(b).
## Tirisanommogo magareng ga ombuds le dikema tsa ombuds