Fickle

Statutes section 214

Section 214

In force date not confirmed

214. (1) Pele Khansele ya Ombud e ka amogela sekema sa ombud sa bodirelo go ya ka karolo 194, Khansele ya Ombud e tshwanetse go—

(a) phasalatsa—

(i) thalo ya melawana ya go busa kgotsa ditlhabololo tsa melawana ya go busa;

(ii) polelo e e tlhalosang tlhokego ya le tsamaiso e e ikaeletsweng ya melawana ya go busa kgotsa tlhabololo ya melawana e e busang;

(iii) polelo ya kutlwalo e e solofetsweng ya melawana ya go busa kgotsa tlhabololo ya melawana ya go busa; le

(iv) kitsiso e ka yona go laletswang ditlhagiso mabapi le melawana kgotsa tlhabololo ya melawana ya go busa e bile e bolela gore ditlhagiso di ka dirwa kae, jang le gore leng; le

(b) romela thalo ya melawana ya go busa kwa Bothating jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete.

(2) Nako e e dumeletsweng ya go dira ditlhagiso ka ga melawana ya go busa kgotsa ditlhabololo go melawana ya go busa go ya ka karolotlaleletso (1) e tshwanetse go nna bonnye malatsi a le 30.

(3) (a) Melawana ya go busa ya sekema sa ombud sa bodirelo se se amogetsweng e tshwanetse go rebolwa ke e bile e ka se tlhabololwe ntle le thebolo ya Khansele ya Ombud.

(b) Melawana ya go busa kgotsa ditlhabololo go melawana e e busang e e amogetsweng ke sekema sa ombud sa bodirelo se se amogetsweng ntle le thebolo ya Khansele ya Ombud ga e amogelsesge.

(4) Khansele ya Ombud ga e a tshwanela go rebola melawana ya go busa kgotsa tlhabololo go melwana ya gobusa ntle le fa e kgotsofetse gore go dira jalo go thusa go fitlhelela maikaelelo a Molao ono a a tlhalositsweng mo karolong 7.

## Tlamego ya go ikamanya le melawana e e laolang ya dikema tse di a mogele se gang tsa bodirelo jwa Ombud