Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 217

Section 217

In force date not confirmed

217. (1) Sekema sa Ombud se tshwanetse—

(a) mo dikgweding tse thataro morago ga go ya bokhutlong ga ngwaga nngwe le nngwe ya ditshelete, romela go Khansele ya Ombud, mo foromong le ka diteng tse di tlhokwang ke Khansele ya Ombud, pegelo ka ga tiro ya sekema sa ombud sa lephata la ditshelete ka nako ya ngwaga wa ditshelete, go akaretsa mabapi le—

(i) ikamanyo le melao ya lephata la ditshelete jaaka ga e amana le dikema tsa ombud;

(ii) dingongorego tse sekema sa ombud se samaganeng le tsona, le ka moo di rarabololwang ka teng; le

(iii) boitshwaro jwa ditheo tsa ditshelete jo bo tlisang dingongorego tse dintsi; le

(b) go ikamanya le kopo ya Khansele ya Ombud ka nako nngwe le nngwe mabapi le tshedimosetso e e ka ga tsamaiso ya sekema sa ombud, tse di diriswang sesweng le bokao jwa maitsholo a ditheo tsa ditshelete a a elwang tlhoko ke sekema sa ombud le tshedimosetso nngwe le nngwe e e maleba.

(2) Nngwe le nngwe ya tse di latelang e tshwanetse, ka kopo ya Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete, gape le ka nako nngwe le nngwe, tlamela ka tshedimosetso le dipegelo ka ga tiro ya dikema tsa ombud le tseo di diriswang mo sesweng le bokao jwa maitsholo a ditheo tsa ditshelete tse bo di elang tlhoko:

(a) Khansele ya Ombud;

(b) sekema sa ombud sa semolao;

(c) sekema sa ombud sa bodirelo se se amogetsweng.

30

(3) Fa, ka go samagana le ngongorego, ombud a lemoga gore go na le kgotsa go ka nna le—

(a) tlolo ya molao wa lephata la ditshelete ka tsenelelo e kgolo ke setheo sa ditshelete; kgotsa

(b) tirwana kgotsa tiro ka setheo sa ditshelete e e nang le tlamorago mo barekeding ba ditshelete bao e seng bangongoregi,

ombud o tshwanetse go itsise Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete ka ga morero oo, go akaretsa le tshupo ya setheo sa ditshelete se se amegang.

(4) (a) Khansele ya Ombud e tshwanetse go tlamela Tona ya Matlole le Matlotlo a Bosetshaba ka tshedimosetso, dipoelo, dikwalo, ditlhaloso le ditshegetso tse di ka neelwang ka Molawana mabapi le karolo eno kgotsa tshedimosetso e e ka lopiwang ke Tona ya Matlole le Matlotlo a Bosetshaba.

(b) Temana (a) ga e tlhoke kgotsa ga e letle kabelo ya tshedimosetso ka ga batho ba ba ka supiwang go tswa mo tshedimosetsong.

KGAOLO 15

45

# LEKGOTLA LA DITIRELO TSA DITŠHELETE

Karolo 1

Tlhaloso

# Ditlhaloso