Fickle

Statutes section 220

Section 220

In force date not confirmed

220. (1) Lekgotla le na le maloko a le mantsi, a a thapilweng ke Tona, jaaka Tona a ka tlhomamisa.

(2) Maloko a Lekgotla a tshwanetse go akaretsa—

(a) bonnye batho ba le babedi bao e leng baatlhodi ba ba rotseng tiro, kgotsa ke batho ba nang le kitso e kgolo e e maleba le maitemogelo mo molaong; le

(b) bonnye batho ba bangwe ba babedi bao ba nang le maitemogelo kgotsa kitso e e kwa godimo ya dikuno tsa ditshelete, ditirelo tsa ditshelete, didiriso tsa ditshelete, dithulaganyetso tsa popegotheo ya mmaraka kgotsa dithulaganyo tsa ditshelete.

(3) Motho o ka se thapelwe go, kgotsa go dira jaaka, leloko la Lekgotla fa motho—

(a) a ileditswe; kgotsa

(b) e se moagi wa Rephaboliki kgotsa e se moagi ka tlwaelo mo Rephaboliking.

(4) Tona o tshwanetse go thapa leloko la Lekgotla le le kailweng mo karolotlaleletsong (2)(a) jaaka Modulasetilo, e bile o ka thapa leloko le lengwe la Lekgotla jaaka Motlatsamodulasetilo.

(5) Modulasetilo—

(a) o tshwanetse go okamela kwa dikopanong tsa Lekgotla; le

(b) o rwala maikarabelo a go laola tiro ya Lekgotla ka nonofo.

(6) Motlatsamodulasetilo o dira ditiro tsa Modulasetilo ka tholelo ya Modulasetilo, kgotsa fa Modulasetilo a seyo, kgotsa fa ka lebaka lengwe go na le phatlatiro ya modulasetilo.

# Paka ya tiro le khutliso ya boloko