Statutes section 221
Section 221
In force date not confirmed
221. (1) Leloko la Lekgotla le dira—
(a) sebaka sa dingwaga tse tharo go simolola ka letlha la go thapiwa ga leloko; kgotsa 25
(b) fa paka e e khutshwane e tsepamisitswe mo go thapiweng ga leloko la Lekgotla, paka eo e khutshwane.
(2) Leloko la Lekgotla le ka thapiwa gape kwa bokhutlong jwa paka.
(3) Motho o ka rola tiro jaaka leloko la Lekgotla ka go romelela Tona kitsiso ya bonnye dikgwedi di le tharo, kgotsa nako e khutshwane ya kitsiso e Tona o ka e amogelang.
(4) Tona o tshwanetse go khutlisa go thapiwa ga motho jaaka leloko Lekgotla fa motho a ileditswe.
(5) Tona o ka khutlisa go thapiwa ga motho jaaka leloko la Lekgotla fa—
(a) leloko le sa kgone go dira ditiro tse le di thapetsweng ka ntlha ya mabaka a boitekanelo kgotsa mabaka a mangwe; kgotsa
(b) fa patlisiso e e ikemetseng e e tlhomilweng ke Tona e fitlheletse gore leloko—
(i) le paletswe ka gotlhe go diragatsa nngwe le nngwe ya maikarabelo a lona a tiro; kgotsa
(ii) le dirile ka mokgwa o o sa tsamaelaneng le ditlhokego tsa go tswelela pele go dira.
(6) Fa patlisiso e e ikemetseng e tlhomilwe go ya ka karolotlaleletso (5)(b) mabapi le leloko, Tona o ka emisa leloko mo tirong go sa letilwe tshwetso ka ga go tloswa ga leloko.
(7) Leloko la Lekgotla le dira go ya ka dipeelo le mabaka, go akaretsa le ka ga go duelwa, go go tsamaelanang le Molao ono, tse di tlhomamisitsweng ke Tona.
# Badiri le ditlamelo