Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 224

Section 224

In force date not confirmed

224. (1) Modulasetilo o tshwanetse go tlhama panele ya Lekgotla mabapi le kopo nngwe le nngwe ya tshekatshekogape ya tshwetso.

(2) Panele e tlhometswe go sekaseka kopo mabapi le mokgatlho o o dirang ditshwetso wa Lekgotla, e bile panele e diragatsa nngwe le nngwe ya dithaa tsa Lekgotla tse di amanang le tshekatshekogape ya tshwetso.

(3) Tshwetso ya panele ke tshwetso ya Lekgotla jaaka go kailwe mo dikarolong 234, 235 le 236 mabapi le kopo ya tshekatshekogape ya tshwetso.

(4) Panele e bopilwe ka—

(a) motho yo o tla okamang panele, yo e tshwanetseng go nna motho yo o kailweng mo karolong 220(2)(a) kgotsa 225(2)(a)(i); le

(b) batho ba le babedi kgotsa go feta ba e leng maloko a Lekgotla kgotsa batho ba ba leng mo lenaneng la panele.

(5) Fa ka lebaka lefe, leloko la panele le sa kgone go feleletsa ditsamaiso tsa tshekatshekogape ya tshwetso, Modulasetilo o ka—

(a) tsenya mo boemong jwa leloko leo motho yo o kailweng mo karolotlaleletsong (4);

(b) laela gore ditsamaiso di tswelele pele fa pele ga maloko a setseng a panele; kgotsa

(c) tlhoma panele e ntshwa le go laela panele e ntshwa go tswelela pele ka ditsamaiso, kgotsa go simolola ditsamaiso tse dintshwa.

Lenane la panele