Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 226

Section 226

In force date not confirmed

226. (1) (a) Fa pele kgotsa ka nako ya ditsamaiso tse mo go tsona leloko la panele le tsayang karolo, go lebega e kete leloko la panele, kgotsa motho yo o amanang le leloko la panele, a na le kgatlhego mo tshwetsong e panele e tthametsweng go e sekaseka gape, leloko la panele le tshwanetse go—

(i) senolela maloko a mangwe a panele kgatlhego eo ka bonako le ka botlalo; le

(ii) ikgogela morago mo go nneng karolo ya theetso.

(b) Tshenolo go ya ka temana (a) ka Modulasetilo e tshwanetse, ka tlaleletso, go dirwa go Tona.

(c) Tshenolo go ya ka temana (a) ka leloko le lengwe la panele e tshwanetse, ka tlaleletso, go dirwa go Modulasetilo.

(2) Mabapi le maitlhomo a karolo eno, ga go kgathalesege—

(a) gore kgatlhegelo e tlhamaletse, ga e a tlhamalala, ke ya tshelete kgotsa ga se ya tshelete; kgotsa

(b) gore kgatlhego e fitlheletswe leng.

(3) Mo karolong eno “kgatlhegelo” ga e akaretse kgatlhegelo e e seng ya boleng.

(4) Modulasetilo o tshwanetse go tshola rejisetara ya ditshenolo tsotlhe tse di dirilweng go ya ka karolo eno, le go tshola thulaganyo ya ditshenolo tsa kgatlhego ka maloko a Lekgotla ngwaga le ngwaga.

25

30

# Melawana ya Lekgotla