Fickle

Statutes section 230

Section 230

In force date not confirmed

230. (1) (a) Motho yo o ngongoregelang tshwetso o ka dira kopa kwa Lekgotleng mabapi le tshekatshekogape ya tshwetso ke Lekgotla go tsamaelana le Karolo eno. 5

(b) Tshekatshekogape ya tshwetso go ya ka Karolo eno e tshwanetswe ke namolo ya ka fa gare jaaka go tlhalositswe mo karolong 7(2) ya Promotion of Administrative Justice Act.

(2) Kopo e tshwanetse go dirwa—

(a) fa modirakopo a kopile mabaka go ya ka karolo 229, mo malatsing a le 30 10 morago ga fa polelo ya mabaka e sena go newa motho; kgotsa

(b) mo mabakeng othe a mangwe, mo malatsing a le 60 morago ga fa modirakopo a sena go itsisiwe ka tshwetso. kgotsa nako eo e telele e e ka letlwang ka mowa o montle.

(3) Kopo go ya ka karolotlaleletso (1) e tshwanetse go dirwa go tsamaelana le 15 Melawana ya Lekgotla.

## Tshwetso ya Lekgotla e e sa sekegwang

231. Kopo ya tshekatshekogape ya tshwetso, kgotsa ditsamaiso mo kopong, ga di sekege tshwetso ya motho yo o dirileng tshwetso ntle le fa Lekgotla le laela jalo.

## Ditsamaiso tsa tshekatshekopoeletso ya ditshwetso

20