Statutes section 241
Section 241
In force date not confirmed
241. (1) Mokgatlho wa lephata la ditshelete o ka, ka go kwala, lopa setheo se se tlhokometsweng go o tlamela ka tshedimosetso e e malebana le tekanyetso nngwe le nngwe ya go rwala maikarabelo ga setheo se se tlhokometsweng mabapi le lekgethwana 25 lengwe le lengwe jaaka go tsepamisitswe mo ditlhokegong.
(2) Tlhokego go ya ka karolotlaleletso (1) e ka phasalatswa mo Rejisetareng kgotsa ya tlamelwa go setheo se se tlhokometsweng se tshedimosetso e tlhokwang mo go sona, e bile e tshwanetse go tsepamisa mokgwa o ka ona, tshedimosetso e tshwanetseng go tlamelwa.
(3) Fa—
(a) setheo se se tlhokometsweng se palelwa kgotsa se gana go ikamanya le ditlhokego tse di phasaladitsweng go ya ka karolotlaleletso (1); kgotsa
(b) tshedimosetso e tlametsweng ke setheo se se tlhokometsweng e sa felela, e fosagetse kgotsa e timetsa, 35
Setheo se se tlhokometsweng, le mokaedi mongwe le mongwe kgotsa leloko la mokgatlho o o busang wa setheo se se tlhokometsweng, ba tshwanetswe ke kotlhao ya tsamaiso ka fa tlase ga Kgaolo 13.
## Tshekatsheko ya lekgethwana