Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 244

Section 244

In force date not confirmed

244. (1) Fa tuelelo kgotsa lekgethwana le sa duelwa, kgotsa le sa duelwa ka botlalo, mo nakong e tsepamisitsweng mabapi le tuelelo, mme neelo ya go duelela tuelo kgotsa lekgetho ka dikarolotuelo e sa amogelwa jaaka go kailwe mo karolong 243(1)(a) kgotsa (b), motho yo o tshwanetseng go duela tuelo kgotsa lekgethwana le le umakwang o tshwanetse go duela morokotso ka kelo e e kailweng mo karolotlaleletsong (2), mo tthotlhwang ya tuelelo kgotsa lekgethwana le le sa duelwang malatsi a le 30 morago ga letlha la bofelo.

(2) Morokotso o o tshwanetseng go duelelwa le go duelwa mo tthotlhwang ya tuelelo kgotsa lekgethwana e e tshwanetseng go duelwa o tshwanetse go balwa go tswa mo kelong ya morokotso e e neetsweng nakwana go ya ka Prescribed Rate of Interest Act, 1975 (Molao 55 wa 1975).

(3) Morokotso o o duediswang ke sekoloto se se tshwanetseng go duelwa kwa mokgatlhong wa lephata la ditshelete, e bile o ka busetswa ka ditsamaiso tsa boatlhodi kwa kgotlatshekelong e e nang le bokgoni.

## Kgololo mo go dueleng