Fickle

Statutes section 247

Section 247

In force date not confirmed

247. (1) Madi a mokgatlho mongwe le mongwe wa lephata la ditshelete a na le—

(a) madi a a amogetsweng ke mokgatlho wa lephata la ditshelete jaaka dituelelo 5

le makgethwana;

(b) matlole a a bonwang ke mokgatlho wa lephata la ditshelete go tswa kwa motsweding mongwe le mongwe; le

(c) morokotso mo ditlhotlhweng tse di leng mo dikoloto tsa mokgatlho wa lephata la ditshelete mo akhaontong.

(2) Madi a mokgatlho wa lephata la ditshelete a ka diriswa fela jaana:

(a) Mo tsamaisong ka kakaretso le mo ditshenyegelong tsa tiro tsa mokgatlho wa lephata la ditsheleteo;

(b) go diragatsa dithata, go dira ditiro, le go diragatsa ditiro tsa mokgatlho wa lephata la ditshelete go ya ka melao ya lephata la ditshelete; le 15

(c) go duela madi a o a duetsweng ka phoso.

### Kgaolo 3

#### Go dira tekanyetsokabo, tshupo ya matlotlo, boruni le pegelo ya tsa ditshelete

#### Go dira tekanyetsokabo, tshupo ya motlotlo, boruni le pegelo ya tsa ditshelete