Fickle

Statutes section 262

Section 262: Sentshwa Rejisetareng, ka sebopego se se tlhomamisitsweng ke, Mokaedikakaretso, se se bontshang gore, ka letlha le le rileng, morago ga go tsenngwa tirisong ga Karolo eno—

In force date not confirmed

262. Sentshwa Rejisetareng, ka sebopego se se tlhomamisitsweng ke, Mokaedikakaretso, se se bontshang gore, ka letlha le le rileng, morago ga go tsenngwa tirisong ga Karolo eno—

(a) motho o abetswe kgotsa o ne a sa abelwa laesense ka fa tlase ga molao wa lephata la ditshelete;

(b) laesense e tsepamisitsweng kgotsa e ne e se go ya ka mabaka a a tsepamisitsweng;

(c) laesense e tsepamisitsweng e ne e, ka nako e e rileng, sekegilwe, phimotswe kgotsa gogetswe morago; kgotsa

(d) setheo sa ditshelete se se tsepamisitsweng se ne ka nako e e rileng e le setheo sa ditshelete sa thulaganyo ya botlhokwa,

se amogelsega jaaka bosupi jwa dintlha le merero e e kailweng mo go sona e bile ntle le fa go na le kganetso, se a konotelela.

# Paakanyo ya Rejisetara

263. (1) Mokaedikakaretso o ka rulaganya gore Rejisetara e siamisiwe go baakanya diphoso.

(2) Fa Rejisetara e siamisitswe, Mokaedikakaretso o tshwanetse go tsenya tshwaelo ya direkoto tse di maleba mo Rejisetareng go tlhalosa mokgwa wa tshiamiso le go tsepamisa letlha le nako e tshiamiso e dirilweng ka yona le lebaka la tshiamiso.

# Ditholelo ka Mokaedikakaretso