Statutes section 268
Section 268
In force date not confirmed
268. (1) Motho yo o tlolang karolo 149(1) o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R15 000 000 kgotsa go tswalelwa kwa 35 kgolegelong sebaka se sa feteng dingwaga tse 10, kgotsa go duediswa le go tshwarwa goo ka bobedi.
(2) Motho yo o tlolang karolotlaleletso 153(4)(a) o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R15 000 000 kgotsa go tswalelwa kwa kgolegelong sebaka se sa feteng dingwaga tse 10, kgotsa go duediswa le 40 go tshwarwa goo ka bobedi.
(3) Fa—
(a) motho yo o lebanweng ke taelo ya kganelo a tlola karolotlaleletso 153(4)(a) ka go tsena mo thulaganyong e e kailweng mo karolong 153(4)(b); le
(b) moamegi yo mongwe mo tumalanong a ne a itse kgotsa a ka tswa a ne a itse 45 sentle gore go tsena mo tumalanong ke tlolo ya karolo eo,
moamegi yo mongwe mo tumalanong le ena o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R15 000 000 kgotsa go tswalelwa kwa kgolegelong sebaka se sa feteng dingwaga tse 10, kgotsa go duediswa le go tshwarwa goo ka bobedi.
(4) Motho yo o tlolang karolotlaleletso 153(5) o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R5 000 000.
This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za
<!-- page: 246 -->
No. 41060
GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017
Act No. 9 of 2017
Financial Sector Regulation Act, 2017
244
## Administrative penalties