Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 27

Section 27

In force date not confirmed

27. (1) Balaodi ba lephata la ditshelete le Banka ya Resefe ba tshwanetse, e seng mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro morago ga go tsenngwa tirisong ga Kgaolo eno, go tsena mo memorantamong wa tumalano o le esi kgotsa go feta mabapi le ka mokgwa o ba tla dirisanang le go kopana ka teng, le go thusana, le go dira ditiro tsa bona le go ikamanya le ditiro tsa bona tse di amanang le tlhomamo ya ditshelete.

(2) Balaodi ba lephata la ditshelete le Banka ya Resefe ba tshwanetse go tlhathoba le go tlhabolola memorantamo wa tumalano jaaka go tshwanetse, fela bonnye gangwe mo dingwageng tse tharo.

(3) Kgatiso ya memorantamo wa tumalano e tshwanetse ntle le tshenyo ya nako fa go sena go tsenwa mo go yona kgotsa tlhabololwa, go romelwa go Tona le leloko la Kabinete le le rwalang maikarabelo a merero ya sekoloto sa badirisi.

(4) Kamogelesego ya tiro nngwe le nngwe e e dirilweng ke molaodi wa lephata la ditshelete go ya ka molao wa lephata la ditshelete, Molao wa Bosetshaba wa Sekoloto kgotsa Molao wa Senthara ya Botlhodi jwa Ditshelete ga e angwe ke go tlholega go ikamanya le karolo eno kgotsa memorantamo wa tumalano o o kailweng mo karolong eno.

## Botsayakarolo jwa maphata a mangwe a puso mabapi le tlhomamo ya ditshelete