Statutes section 270
Section 270
In force date not confirmed
270. (1) Motho yo o tlolang karolo 189(1) kgotsa (2) kgotsa karolo 192 o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuelo e e sa feteng R5 000 000.
(2) Motho yo o tlolang karolo 202(11) o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuelo e e sa feteng R5 000 000.
(3) Motho ka esi yo o tlolang karolo 205(8) o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuelo e e sa feteng R5 000 000.
(4) Fa—
(a) motho ka esi yo o lebanweng ke taelo ya kganelo go ya ka karolo 205 a tlola karolotlaleletso 205(8)(a) ka go dira thulaganyo e e kailweng mo karolong 205(8)(b); le
(b) moamegi yo mongwe mo tumalanong a ne a itse kgotsa a ka tswa a ne a itse sentle gore go tsena mo tumalanong ke tlolo ya karolo eo, mokgatlho o mongwe o o mo thulaganyong le ona o tlola molao e bile fa o bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R5 000 000.
(5) Motho yo o tlolang karolotlaleletso 207(2) o tlola molao e bile fa a bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuelo e e sa feteng R15 000 000 kgotsa go tswalelwa kwa kgolegelong sebaka se sa feteng dingwaga tse 10, kgotsa go duediswa le go tshwarwa goo ka bobedi.
(6) Setheo sa ditshelete se se abetsweng laesensese se tlolang karolotlaleletso 210 se tlola molao e bile fa se bonwe molato se tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R5 000 000.
(7) Setheo sa dishelete se se tlolang karolo 215(1) se tlola molao e bile fa se bonwe molato se tshwanetswe ke kotlhao ya tuelo e e sa feteng R5 000 000.
(8) Motho yo o tlolang karolotlaleletso 217 o tlola molao e bile fa o bonwe molato o tshwanetswe ke kotlhao ya tuediso e e sa feteng R5 000 mabapi le letsatsi lengwe le lengwe leo ka lona molato o tswelelang.
20
25
30
## Ditsamaiso tsa Lekgotla