Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 279

Section 279

In force date not confirmed

279. (1) Molaodi wa lephata la ditshelete o ka, ka lebaka le le utlwalang, katolosa paka nngwe le nngwe ya go ikamanya le, kgotsa paka e e neetsweng ke, kabelo ya molao wa lephata la ditshelete, ntle le kabelo e molaodi wa lephata la ditshelete a tshwanetseng go ikamanya le yona.

(2) Molaodi wa lephata la ditshelete o ka dumelela katoloso go ya ka karolotlaleletso (1) go feta gangwe, o ka dira jalo pele ga kgotsa morago ga nako ya ikamanyo e sena go feta kgotsa paka e e neetsweng e sena go fela.

25

Mabaka a dilaesense

280. (1) Laesense e ka abelwa go ya ka mabaka a a tsepamisitsweng mo laesenseng kgotsa mo kitsisong ya kabelo kgotsa thebolo ya laesense e e neetsweng moabelwalaesense.

(2) Tshekego, phimolo kgotsa phediso ya laesense go ya ka molao wa lephata la ditshelete e ka nna go ya ka mabaka a a tsepamisitsweng mo kitsisong ya tshekego, phimolo kgotsa phediso e e neilweng moabelwalaesense.

(3) Tlolo ya lebaka go ya ka karolotlaleletso (2) ga e ame kemiso, phimolo kgotsa phediso ya laesense.

(4) Mo karolong eno, kaelo go laesense e tshwanetse go tseelwa gore e akaretsa kaelo go tumelelo, tumalano, thebolo kgotsa tetlelelo ya mofuta mongwe le mongwe go ya ka molao wa lephata la ditshelete.

Dikgololo