Statutes section 291
Section 291
In force date not confirmed
291. (1) Ditiro tsa Bothati jwa Tlhokomelo mabapi le dikema tsa kalafi le dithata tse di di patileng le ditiro tsa Bothati jwa Tlhokomelo, ka bogolo jo bo tlhomamisitsweng ke, le go ya ka mabaka mangwe le mangwe a a tlhomamisitsweng ke, Tona, di tshwanetse go diragatswa ke Khansele ya Dikema tsa Kalafi e seng Bothati jwa Tlhokomelo, mme fela ka tumalano le Bothati jwa Tlhokomelo.
(2) Ditiro tsa Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete mabapi le dikema tsa kalafi le maatla le ditiro tse di di patileng tsa Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete, ka bogolo jo bo tlhomamisitsweng ke, le go ya ka mabaka mangwe le mangwe a a tlhomamisitsweng ke, Tona, di tshwanetse go diragatswa ke Khansele ya Dikema tsa Kalafi e seng Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete, mme fela ka tumalano le Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete.
(3) Tlhomamiso go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (2) e tshwanetse go phasalatswa.
(4) Tumalano ya bolaodi ja lephata la ditshelete go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (2) ya tiragatso ya thata e e rileng kgotsa go dirwa ga tiro e e rileng ga go tlhokege fa bolaodi jwa lephata la ditshelete bo dumetse ka go kwala gore—
(a) tiragatso ya thata kgotsa go dirwa ga tiro ga go gobelele phitlhelelo ya maikaelelo a jona; le
(b) tumalano ya jona ga e tlhokege.
## Dithata tsa kgaba ganyo tsa tlhokomelo ya Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete