Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 292

Section 292

In force date not confirmed

292. (1) Karolo eno e diriswa mo pakeng ya dingwaga tse tharo go simolola ka letlha la go tsenngwa mo tirisong ga karolo eno mme Tona o ka, ka kitsiso mo Lokwalodikgannyeng la Puso, tlhomamisa paka e khutshwane kgotsa e telele.

(2) Thata ya Bothati jwa Tlhokomelo ya go dira maemo a tlhokomelo, eo ditheo tsa ditshelete tse di latelang di tshwanetseng go ikamanya le yona, mabapi le tshireletsego le tlhomamo ya ditheo tseo tsa ditshelete le go fitlhelela maikaelelo a Bothati jwa Tlhokomelo, e tshwanetse go diragatswa ke Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete:

(a) Dikema tsa peeletsommogo jaaka di tlhalositswe mo karolong 1(1) ya Collective Investment Schemes Control Act, 2002 (Molao 45 wa 2002);

(b) matlole a pensene jaaka a tlhalositswe mo karolong 1(1) ya Pension Funds Act;

(c) mekgatlho ya botsalano jaaka e tlhalositswe mo karolong 1(1) ya Friendly Societies Act.

(3) Maemo a tlhokomelo go ya ka karolotlaleletso (2) a ka pateletsa fela ditlhokego tse di ka pateletswang ka fa tlase ga molao wa lephata la ditshelete o o rileng o o maleba go setheo sa ditshelete se se amegang.

(4) Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete bo ka diragatsa dithata tsa jona tse dingwe go ya ka melao ya lephata la ditshelete mabapi le ditheo tsa ditshelete tse di kailwaeng mo karolotlaleletsong (2) go fitlhelela maikaelelo a Bothati jwa Tlhokomelo.

(5) Karolotlaleletso (3) ga e ame dithata tsa Bothati jwa Boitshwaro jwa Lephata la Ditshelete mabapi le setheo sa ditshelete.

## Tshutiso ya dithoto le melato ya Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete