Corpus last synced 15 May 2026 at 11:22 SAST.

Automated best effort research support. Fickle uses deterministic rules and AI assistance to resolve relationships and statuses where it can. It can be wrong, incomplete, or superseded. Check the cited source before relying on it.

Statutes section 294

Section 294

In force date not confirmed

294. (1) (a) Ka letlha leo karolo eno e tsenang mo tirisong ka lona, badiri ba Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete ba tshwanetse go sutisetswa kwa Bothating jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete le Banka ya Resefe, ka tatelano, go ya ka karolo 197 ya Labour Relations Act, 1995 (Molao 66 wa 1995).

(b) Kaelo nngwe le nngwe mo karolong 197 ya Labour Relations Act, 1995, go—

(i) "mothapi wa kgale" e tshwanetse go tsewa jaaka kaelo go Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete; le

(ii) "mothapi yo mošwa" e tshwanetse go tsewa jaaka kaelo go Bothati jwa Boitshwar o jwa Lephata la Ditshelete kgotsa Banka ya Resefe, go ya ka mabaka, mabapi le badiri ba ba tla sutisetswang go nngwe ya ditheo tseno.

(c) Ditumalano tse di kailweng mo karolong 197 ya Labour Relations Act, 1995, di tshwanetse go sekaseka tshutiso ya badiri ba Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete go matlole a phenšene a Banka ya Resefe ya Aforikaborwa, mo go tlhokegang.

(2) Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete, ka letlha leo karolo eno e tsenngwang mo tirisong ka lona, bo rwala maikarabelo, mabapi le maikarabelo a Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete a go etleetsa tshenyegelo ya dikabelo tse di duelwang go sekema sa kalafi se se kwadisitsweng ka fa tlase ga Medical Schemes Act ke—

(a) motho yo o neng a thapilwe ke Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete go simolola ka 1 Ferikgong 1997 a be a tswelela go thapiwa jalo go fitlhela a rola tiro mo Botong ya Ditirelo tsa Ditshelete; kgotsa

(b) motho yo o neng e le mogatsa kgotsa moikaegi wa motho yo o tthalositsweng mo temaneng (a) ka nako ya go rola tiro mo Botong ya Ditirelo tsa Ditshelete, kgotsa go tthokafala ga motho fa a ne e le modiri wa Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete.

(3) Fa dikunomolemo tse di duelwang leloko go ya ka melawana ya Letlole la Penšene la Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete ka nako ya go rola tiro di ne di tla nna go ya ka tsholo ya lekgetho le le kgethegileng, dikunomolemo tse di duelwang modiri yoo ka nako ya go rola tiro ga gagwe ke Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete le Banka ya Resefe ya Aforikaborwa, fa go kgonega, di tshwanetse go dirwa go ya ka tsholo ya lekgetho e etshwanang le eo.

(4) Ka letlha le karolo eno e tsenngwang mo tirisong ka lona, letlole la penšene la Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete e nna letlole la penšene la Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete.

# Dipegelo tsa ngwaga

295. (1) Bothati jwa Tlhokomelo bo tshwanetse go baakanya pegelo nngwe le nngwe ya ngwaga ya bolaodi jwa lephata la ditshelete e e tlhokwang ke molao wa lephata la ditshelete oo e leng bolaodi jo bo rwalang maikarabelo a yona mabapi le paka ya go bega e mo go yona letlha le karolo eno e tshwanetseng go tsenngwa mo tirisong ka lona.

(2) Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo tshwanetse go baakanya pegelo nngwe le nngwe ya ngwaga ya Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete kgotsa bolaodi bongwe jwa lephata la ditshelete e e tlhokwang ke molao wa lephata la ditshelete o e leng ona bothati jo bo rwalwang maikarabelo mabapi le paka ya go bega eo mo go yona karolo eno e tsenngwang mo tirisong ka yona.

(3) Pegelo go ya ka karolotlaleletso (1) kgotsa (2) e ka phasalatswa jaaka karolo ya pegelo ya ntlha ya ngwaga ya Bothati jwa Tlhokomelo kgotsa Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete, go ya ka mabaka.

This gazette is also available free online at www.gpwonline.co.za

<!-- page: 264 -->

No. 41060

GOVERNMENT GAZETTE, 22 AUGUST 2017

Act No. 9 of 2017

Financial Sector Regulation Act, 2017

260

## Inspections and investigations