Statutes section 298
Section 298
In force date not confirmed
298. (1) (a) Go sa nyatswe phediso e e dirilweng go ya ka Karolo eno—
(i) Komiti ya Kgatelelo e tla tswelela go samagana le morero mongwe le mongwe o e neng e samagane le ona ka bonako pele ga letlha la go tsengwa tirisong ga Karolo eno; le
(ii) panele ya Boto ya Boikuelo e tla tswelela go samagana le morero mongwe le mongwe o e neng e samagane le ona ka bonako pele ga letlha leo.
(b) Komiti ya Kgatelelo le dipanele tse di kailweng mo temaneng (a)(ii) di tswelela go nna teng mabapi le maitlhomo a temana (a) fela.
(2) Bothati jwa Boitshvaro jwa Lephata la Ditshelete bo tshwanetse go tlamela Komiti ya Kgatelelo le dipanele tse dingwe ka tshegetso ya tsamaiso le e nngwe.
(3) Mabapi le maitlhomo a karolo eno, ditsamaiso di a diragatswa fa—
(a) mo lebakeng la Komiti ya Kgatelelo e e tlhomilweng go ya ka karolo 97 ya Securities Services Act, 2004 (Molao 36 wa 2004), boikuelo jo bo bonetsweng pele mo karolong 102(1) ya Molao oo bo rometswe kwa Komiting ya Kgatelelo;
(b) mo lebakeng la Komiti ya Kgatelelo e e tlhomilweng go ya ka karolo 10A ya Financial Services Board Act, boikuelo jo bo bonetsweng pele mo karolong 6B(1) ya Financial Institutions (Protection of Funds) Act, 2001 (Molao 28 wa 2001) bo diragaditswe go ya ka karolo 6B(2)(a) ya Molao oo.
# Tshwanelo ya boikuelo jwa ditshwetso tsa Boto ya Ditirelo tsa Ditshelete