Statutes section 302
Section 302
In force date not confirmed
302. (1) Go sa nyatswe go phimolwa ga *Financial Services Board Act* go ya ka Šejule 4, lekgethwana le le duediswang go ya ka karolo 15A ya *Financial Services Board Act* le tswelela go diriswa go ya ka Molao ono, go fithela ka letlha le le beilweng ke Tona ka kitsiso e e phasaladitsweng mo Rejisetareng.
(2) Lekgethwana le le kailweng mo karolotlaleletsong (1) le, go simolola ka letlha leo karolo eno e tsengwang mo tirisong ka lona, tseelwa gore ke lekgethwana mabapi le maitlhomo a Molao ono.
## Mogakolodimogolo