Fickle

Statutes section 39

Section 39

In force date not confirmed

39. (1) Mmusisi o tshwanetse, go tsamaelana le kgato e e maleba, go tlosa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga mo tirong fa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga a nna motho yo o ileditsweng.

(2) Mmusisi o ka, ka tumalano le Tona, tlosa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga mo tirong fa patlisiso e e ikemetseng, e e tlhomilweng ke Mmusisi ka tumalano le Tona, e fitlheletse gore Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga—

(a) ga a kgone go dira ditiro tsa ofisi ka ntlha ya boitekanelo kgotsa mabaka mangwe;

(b) a paletswe ka gotlhe go fitlhelela boemo jwa tiro kgatihanong le ditekanyetsotiro tse go dumalanweng ka tsona go ya ka karolo 36(2);

(c) a paletswe ka gotlhe go diragatsa nngwe le nngwe ya maikarabelo a ofisi, go akaretsa nngwe le nngwe ya maikarabelo ao a neilweng go ya ka molawana; kgotsa

(d) a dirile ka mokgwa o o sa tsamaelaneng le go tswelela go nna mo tirong.

(3) Fa patlisiso e e ikemetseng e tlhomilwe go ya ka karolotlaleletso (2), Mmusisi o ka sekega Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga mo tirong fa go sa ntse go letilwe tshwetso ya go tlosa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga.

(4) Ntle le go lekanyetsa karolotlaleletso (2)(c), Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga o tshwanetse go tsewa jaaka a paletswe ka gotlhe go diragatsa maikarabelo a tirofa a sa nna teng mo dikopanong tse pedi tse di latelanang tsa Komiti ya Tlhokomelo ntle le khunulogo ya Komiti ya Tlhokomelo.

(5) Fa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga a tlositswe mo tirong go ya ka karolotlaleletso (2), Tona o tshwanetse go romela pegelo le diphitlhelelo tsa patlisiso e e ikemetseng go Kokoano Bosetshaba mo matsatsing a le 30.

## Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga wa nama-o-tshwere