Fickle

Statutes section 40

Section 40: Mmusisi o ka thapa leloko le legolwane la badirammogo ba Bothati jwa Tlhokomelo kgotsa Motlatsammusisi go ka tshwara marapo jaaka Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga fa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga a seyo mo tirong, a sekegilwe kgotsa ka gongwe a sa kgone go dira ditiro tsa ofisi.

In force date not confirmed

40. Mmusisi o ka thapa leloko le legolwane la badirammogo ba Bothati jwa Tlhokomelo kgotsa Motlatsammusisi go ka tshwara marapo jaaka Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga fa Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga a seyo mo tirong, a sekegilwe kgotsa ka gongwe a sa kgone go dira ditiro tsa ofisi.

## Go tlhongwa ga Komiti ya Tlhokomelo

41. (1) Komiti e e bidiwang Komiti ya Tlhokomelo e tlhomelwa fano Bothati jwa Tlhokomelo.

(2) Komiti ya Tlhokomelo e na le Mmusisi, Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga le Batlatsammusisi ba bangwe.

## Botsayakarolo jwa Komiti ya Tlhokomelo